Ba mmapotse
Ba mmapotse, mmapotse mo sefapanong:
Jesu wa me, moratwi wa pelo ya me.
Magdalena, Johane, ene Maria
Ba tsholotse dikeledi, baa lela, baa lela.
Ke lona, baleofi, lo bapotse Mmoloki;
Ke lona, ke lona lo bapotse Jesu;
Ke lona, ke lona lo bapotse Jesu.
Khutsafalo e kgolo ya nna lobopong,
Mme letsatsi ja fitlha ‘sedi ja jone;
Lefatshe ja roroma; one mafika
A phatloga, mme mabitla atlhamologa.
Go ne go swa Modimo; tsotlhe tsa nna botlhokong;
Godimong, moleting tsotlhe tsa roroma.
Godimong, moleting tsotlhe tsa roroma.