Felo fano ga Modimo

Felo fano ga Modimo
A go dume difela.
A re itumeleng rotlhe:
Jesu o gone jaana.

O agile mo altareng,
Ga a bonwe, o subilwe.
Mme mo sebopegong sa bogobe
O tshela ka sebele.

Kwana e e se nang, sebe,
Lorato lo go tlhabile,
Ka o swetse rona baleofi
Gore o re golole.

Mana a a neleng jale
A tswa kwa legodimong,
Jaanong re a bona ga mmanete
Mo sakramenteng seno.

Leave a Reply

Ke ne ke rata

05/08/2017

A Sakramente se!

05/08/2017