Jesu, o ruta batho
Jesu, o ruta batho Ka dikgakgamatso
Dithuto tsa botshelo Tse di tswang godimo,
Moruti wa lefatshe, O re senolele
Taolo tsa Bogosi, Tsa puso ya gago;
Taolo tsa bogosi, Tsa puso ya gago.
Bua fela, re a utlwa. Bua fela, re a utlwa
Melao, melao yotlhe, Melao, melao yotlhe.
Re eletsa segolo go e rutwa, Re eletsa le go e boloka.
“Ba ba humanegileng Mo Moyeng ba sego.
Ba tla rua Bogosi Jwa Rara Modimo,
Mme ba ba pelonomi, Le ba ba molemo
Ba tla fenya lefatshe Le jone boleo.
Mme go sego, ka botlalo Dipelo, dipelo tsotlhe
Tse di tshegetsang thato ya me sentle,
Tse di nthatang ka thata ya tsone.
Ba ba tlhologetsweng Tshiamo le bontle
Ba kgorisiwa thata Menate le botshe.
Go sego ba ba lelang; Ba tla gomodiwa.
Mme ba ba itshekileng Ba bona Morena.
Lo ikanyeng, lo ipeleng. Barutwa, barutwa ba me.
Gonne tuelo ya lona e kgolo
Mme Bogosi jwa me ke jwa jone.”