Ka difela

Ka difela tse di monate
Opelang, bana ba batho.
Re bonye ngwana gompieno
ke ngwana wa legodimo.
Ene ke Morwa wa Modimo,
O fologetse go rona.
Ammaaruri o re ratile
A re mo rateng le rona.

Badisa ba ne ba disitse
mafulong a Betlehema.
Fong ga tla gare ga bosigo
Moengele wa Morena.
A bonala mme a ba raya:
“Se boifeng, Itumeleng.
Mmoloki o tsaletswe lona,
ke Jesu Kreste Mesia.”

Mme badisa ba tabogela
Kwa motsing wa ga Dafida.
Ba bona jaaka ba kaetswe
Maria le Jesu, ngwana.
Bojelong jwa diphologolo
Go laditswe Morw’a-Motho
A humanegile,
A lela ka ntlha ya batho.

Maria, mma le kgarebane
A tlotla, a obamela,
A khubame mme a akanya
Tsotlhe pelong kaga ngwana.
Josefa o eme fa thoko
Ka tshisimogo e kgolo.
Le rona a re tlotleng nabo:
Re obameleng Modimo

Leave a Reply

Ruri, ke moleofi

04/08/2017

Ikelelloeng

04/08/2017