Ke tsatsi ja Paseka

Ke tsatsi ja Paseka:
Rotlhe re opeleng
Kopelo ya Boipelo:
Aleluya.

Mo lefikeng go dule
Molelo o mosha:
Ke Jesu mo kgalalelong.
Aleluya.

Kerese ya Paseka
Ke Jesu mogogi:
Mosipuri wa molelo.
Aleluya.

Re tseye ga molelo
Go tshuba masedi
Ke botshelo jwa grasia.
Aleluya.

Ka masedi a rona
Re sepela fifing
Re sa boife Satane.
Aleluya.

Bosigo jo, jwa tsogo
Bo bonye Letshego
Le kgakgamatso e kgolo.
Aleluya.

Betlehema o bonye
Naledi ngwefela,
Mme mono ga tlhaba tsatsi.
Aleluya.

Tsatsi ke bomodimo:
Jesu ka sebele;
Bonang phatsimo le marang.
Aleluya.

Bosigo jo, bo naya
Kagiso, tetlanyo,
Le tsholofelo, kgomotso.
Aleluya.

Bo leleka bosula,
Bo tlhatswa maleo,
Bo re busetse botshelo.
Aleluya.

Jesu, re obamela
Bogolo jwa gago,
Ka pelo yotlhe re ba ‘go.
Aleluya.

Leave a Reply

Aleluya, lo itumele

04/08/2017

Ke bona mang

04/08/2017