Lebogang Modimo

Lebogang Modimo ka pelo le molomo.
Rr’a dikgakgamatso botlhale, pabalelo.
E sale re tlholwa o n’a re boloka,
O tsholotse dimpho godimo ga rona.

Morena, re neye pelo e e bonolo,
Naya maikutlo a mantle, a tebogo.
A re se lebale Mmopi wa lefatshe,
Mung wa dilo tsotlhe, motsadi wa botlhe.

A go nne tebogo go Rara, Morwa, Moya
Tebogo e ntshiwe ke tsotlhe dibopiwa.
Bone ba sa itseng tshwanelo ya bone,
A o k’o ba rute ba ke ba ithute.

Leave a Reply

Re a go rata

10/08/2017

Morena, o montisi

10/08/2017