Morena, o montisi

Morena, o montisi, ga ke tlhoke sepe.
O mphotisa mo Bontleng, o nkgogela gaeng.
Pelo ya me e ikantse; ga ke na poifo epe
Mo tshireletsong ya modisa
Dinku di a bolokesega.

O nkisa kafa metsing a a didimetseng;
Mafulong a matala sekgweng le mo nageng.
Le fa re ralala baba, mafelo a bogalaka,
Le megogoro le dikaka
Re tla nna re bolokesega.

O lapolose moya o tlotse dingalo,
O female ka tsamma, seikokotlelo.
O na le bopelonolo le boutlwelobotlhoko,
Le wena re dibelesega
Ruri re a bolokega.

O itse dilo tsotlhe, di thateng ya gago,
Mme tsotlhe di dirana go rona molemong.
Ke gone re solofelang, re ratang, re go lebogeng;
Re lelalela kwa go wena
Go nna re bolokesega.

Ba ba utlwang Morena ba itse kagiso.
Ba sego, ba tla rua puso ya godimo.
Ba kgorisiwa lenyoreng, mme ba tladiwa mo tlaleng;
Ba bona kutlwelo-botlhoko
Mme ba tla bolokesega.

Leave a Reply

Lebogang Modimo

10/08/2017

Rara, Kgosi

10/08/2017