Re itumeleng

Re itumeleng gonne Maria
O tla re thusa mo tlalelong
Mogang mokoro ono wa rona
O tla bipiwang ke dinteelo.

O sego basading, ee, o tlhogonolo
Mme mo go Morwa’o o thata yotlhe.

Ba re leng lewatleng ja botshelo jono
Re batla kaelo: Ke wena yone.

Lefifing, bosigong re bona naledi:
E nyedima sentle, ke wena yone.

Re dikilwe babeng, poifong, bokoweng;
O kae mofemedi? Ke wena ene.

Le mo khutsafalong, pobolong le losung:
O kae Mogomotsi? Ke wena ene.

Mme fa re Bontleng, mo boitumelong
Re tla tlhakanela tsotlhe le wena.

A re ka lebala monei, moabi?
A re mo ntshetseng tebogo le pako.

O kgoro, mojako wa ntlo ya Morena:
Ere re goroga o re bulele.

Leave a Reply

Lorato lwa gago

05/08/2017

Maria, Rosa

05/08/2017