TLOTLO a e nne ya Modimo

Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimodimong!
Le kagiso mo lefatsheng
mo bathong ba o ba itumelelang.
Morena Modimo, Kgosi ya legodimo,
Rara yo o thatayotlhe. Re a go boka, re a go leboga,
Mme re baka kgalalelo ya gago e kgolo.
Morena Jesu Kreste, Morwa Rara, Morena Modimo,
Konyana ya Modimo:
Wena yo o tlosang boleo jwa lefatshe
o re utlwele botlhoko.
Wena yo o bapileng le Rara:
re amogelele Dithapelo.
Gonne ke wena fela o leng Boitshepho:
ke wena fela o leng Morena,
ke wena fela o leng Mogodimodimo, Jesu Kreste,
yo o leng mo kgalalelong ya Modimo Rara
mmogo le Moya o o Boitshepho.

AMEN!

Leave a Reply

Badumedi tlotlang

10/08/2017

Tlotlo

10/08/2017