Utlwang, Bakreste
Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu:
Moya wa gagwe o tletse poifo.
Mo tshimong a rapela;
A goela go Rara
Mo ditlalelong tse di boitshegang.
Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu:
Ba mo seola kgotleng ya Pilato.
Fong ba mo sotla thata
Mme ba mo rwesa mitlwa;
Ba mo tlotlolola ka kgobo, kgalo.
Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu:
Ba mo kabisa logong lwa mokgoro.
Ba kopa Barabase,
Ba latlha Jesu ba re,
‘A a bapolwe, a isiwe losong.’
Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu:
Ba mo gogela thabeng ya lonyatso.
Mme gone ba mmapola
Mme ba mo kokothela
Mo setlharing sa botshelo le loso.
Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu:
Bontsing jwa batho gare ga magodu
Morena a kgaoga,
A neela Rra’gwe moya
Mme lobopo lotlhe lo hutsafetse.