Morena, o segofatsa

Morena, o segofatsa letsatsi:
Tsatsi je lesha ja gompieno,
Ke tsatsi ja gago, re le neilwe
Go gola mo loratong lwa ‘go.
Bonesetsa, tlhomamisa
Go kgatlha batho le wena, Rra.

Ga re a bona botshelo jwa rona
Go senya nako dilong tsa mono.
Jaaka baeti re fetele pele
Mo tseleng go ya legodimong.
Ngwana wa me, wa Mokreste,
O se lebale, o se lale.

Bosigong o mpolokile ka Tshwaro
Mo lefifing le bontshung jwa sebe,
Ke go lebogela thuso, molemo
Le tlamela ya Baengele.
A ke dige letsatsi je
Ke diretse poloko ya me.

Morena, thusa ka oura le oura
Ke ka tla ka roba thato ya ‘go.
Diteko di dintsi, ditshekamelo:
Ke di boifa le thaelo.
Ka grasia ya ‘go fela
Ke tla nonofa go di fenya.

Mo lefatsheng ja matsapa le tiro
Malatsi a rona ga a mantis,
Mme loso lo tla tla ka tshoganetso
Re sa itse nako ya lone.
A re nne re iketleetse
A re fitlhelwe re siame.

Leave a Reply

Mo ditlhobaelong

10/08/2017