Morena, re mo poifong

Morena, re mo poifong,
A k’O re lebe tlalelong:
Go swa mabele, dithobo;
Go tsha didiba, melapo.

Bona morafe mo tlaleng;
Dinku, dipodi mo nageng.
Tsotlhe di tla nyelediwa
Fa o sa tle go re thusa.

Lefatshe le idibetse
Mme maru a tswalegile;
Mme maru a tswalegile;
Mme leuba le botlhoko.
Tsatsi le swetsa botshelo.

Metswedi yotlhe ya boteng
A e tloge e phunyege;
Mme dithoba tsa godimo
Di ke di bulege jaanong.

Leave a Reply

Utlwa, ngwana wa me

03/08/2017

Bakreste, gopolang

03/08/2017