Tlotlo
Tlotlo e nne go Modimo
Yo busang magodimo
Kagiso e nne mo lefatsheng
Go batho ba siame
Re go boka ka metlha
Re tla nna re go boka.
Gloria, Gloria in excelsis deo
Re ntse re go obamela
Ka tumelo e tshelang
A re bakeng Modimo
Tebogo e sa feleng
O motlhodi yo mogolo
Yo busang magodimo.
Gloria, Gloria in excelsis deo
Jesu Morwa wa Modimo
O kwanyana e tlosang
Dibe tsa lefatshe lotlhe
Re batla go go rata
O re rekegele rotlhe
Ba ba mo lefatsheng.
Gloria, Gloria in excelsis deo