Aleluya, lo itumele

Aleluya, lo itumele,
Ditshika tsotlhe lefatsheng.
Jesu Kreste, Mogolodi
O tsogile ruri baswing.
O na a letse lebitleng;
Jaanong ga go ope mo teng.
O fentse Kgosi ya baba.
Ale-aleluya.

Aleluya, lo itumele,
Baagi ba legodimo:
Baengele, baitshephi,
Kopanang le rona jaanong:
Go gakgamala, go tlotla
Bonatla le yone thata
Ya ga Jesu, mung wa loso.
Ale-aleluya.

Aleluya, o itumele,
Oh Maria, mma Mmoloki,
Jaanong o ka bona Jesu
Kgalalelong le mo Bontleng.
Gase lobaka lwa telo,
Ke nako ya Boipelo.
Re tla ipela le wena.
Ale-aleluya.

Leave a Reply

Re a dumela

04/08/2017

Ke tsatsi ja Paseka

04/08/2017