Dumela, loseana
Dumela, loseana,
O tswa kae, mme o mang?
“Ke tswa kgalalelong ya ga Rre?
Ke tlogetse Bogosi jwa me,
Ke Modimo,
Ke Mmoloki wa lona.”
Dumela, loseana,
Ene Rra’go ke mang?
Rre ke motlhodi wa lefatshe.
Kgarebane Maria ke Mme,
Ke ngwan’a Modimo
Mme ke ngwana wa motho.”
Dumela, loseana.
O tsile go dira’ng?
“Go lo swela mo sefapanong,
Go boloka mewa tatlhegong.
Ke tsile go fenya
Baba botlhe ba lona.”
Dumela, loseana,
O rata batho jang!
Ammaaruri go go tshwanetse
Gore dibopiwa tsa fatshe
Di go rate tsotlhe
Ka boineelo.