Ke itse Pelo
Ke itse Pelo e e nolo.
E tletse bontlentle le lorato.
Jesu, o mpulele Pelo ya ‘go ka gale.
A ke age mo teng bosafeleng.
E botsalano jang! E ratile
Ba ba hularelang kgoro, bontle.
E rata go phutha mo diphukeng
Mamphorwana, ‘kwana mo lesakeng.
E latela kwana le kwa nageng
E re isa gae mo magetleng.
E tla itshwarela dibe tsotlhe
Tsa barwa-sesenyi: baleofi.
Re e atameleng jaaka bana,
E tla tshegofatsa, ea re rata.