Leme lwa me
Leme lwa me, opelela
Modimo o o subilweng:
Sakramente sa poloko,
Serokolodi sa fatshe.
O gone, Jeso, Mmoloki,
O leng Modimo le motho ruri
Le kgosi ya merafe.
O lounge lwa kgarebe,
Neo e ntle ya Morena.
O tsaletswe mo lefatshing
Go ruta go segofatsa.
Mo bokhutlong jwa botshelo
Wa ntsha molemo wa kgakgamatso
O o ka fenyang loso.
Mo bosigong jo bogolo
O theile selalelo.
Wa tsaya bogobe wa re:
‘Mmele o wa me ke sejo.
Barutiwa, tsayang lo je;
Ba basa o jeng a tla swabotlhe.
Madi a me ke seno.’
Ka thata ya ‘fokoja ‘gwe
Senkgwe sadire ga nama,
Mme mofine wa fetoga
Madi a a rekololang.
Jeso o mothatiyotlhe;
Re dumela o ka dira tsotlhe
Ka ‘foko lengwefela.
Sakramente se sekalo
Re se obameleng thata.
Mme ditirelo tsa pele
A di sutele tse dintsha.
Temogo e retelelwa
Ke go bona, ke go tlhaloganya:
Tumeloea re ruta.
Mo go Rara, mo go Morwa
A go ntshediwe tebogo,
Kgodiso, tlotlo le thata.
Dipako le kgalalelo.
Mme a regodiseng Moya
O o tswang mo go Rara le Morwa
Go ya ka bosakhutleng.