Jeso o ngaka

Jeso o ngaka ya batho,
O alafa moya le pelo.
Jaanong ba re lwalang, re bobolang
Re a go itekodisa.

O ntlafaditse lepero
O tsositse losong Lasaro
Wa ba wa leleka bo-Satane
Wa kabolola ditsebe.

Mme jaaka o fodisitse
Malwetse otlhe a mebele
Jalo o n’o eleditse thata
Go tlosa one a mewa.

O tlhabolotse dipelo
O senkile dinku tsa gago,
O di biditse, o di o otlile
O di isitse kwa sakeng.

O golotse Magdalena,
O itshepisitse barutwa,
O ba itshwaretse diteofo,
O ba neile nonofo.

Ga o rate loso, tshenyo,
Ya baleofi boikepong,
Mme ga o time lesedinyana
Lefa go roba lotlhaka.

Ammaaruri, o mmoloki,
O mofodisi, o mothusi;
Jaanong ba re lwalang, re bobolang,
Re a go itekodisa.

Leave a Reply

Modisa yo o molemo

04/08/2017