Go leina je lentle

Go leina je lentle jang:
Ke leina ja Jeso.
Ke boipelo godimong
Le kgomotso mo bathung.
Teme tsa rona di baka
Leina je, ja Morena:
Ke leina ja Jeso.

Ga go na leina le sele
Je le kgatlhang dipelo,
Je le itseng go tshedisa
Jaaka jone ja Jeso.
Ka jone re ka rapela:
Neo tsotlhe re di bona
Ka leina ja Jeso.

Leina je le boitsha
Baba botlhe moleting;
Le itumedisa thata
Ba ba leng mo mo leseding.
Re utlwile leina je
Ke morongwa Gabriele
Ke leina ja Jeso.

Leina je, le thata jang:
Le leleka Satane.
Ke thebe mo ditlhabanong,
Nametso ya balepi.
Le botshe, le monate jang.
Ke je re tla le bolelang
Losung: re bitseng Jeso.

Leave a Reply