Ke ba merafe
Ke ba merafe le ditshika,
Ba mafatshe otlhe fela.
Mme jaanong ba roba mabele
A ba a jetseng matsapeng.
Bonang barutwa ba ga Jesu
Ba ba rutileng ditshaba.
Jaanong ba busa Israele
ba beilwe go atlhola.
Bonang le baswedi-tumelo:
Bone ba tsholotse madi
Ka go ngaparela molao;
Ba sa etse batenegi.
Re bona ba ba itshekileng:
Bafirigo, makgarebe;
Ba ne ba tenwa ke thapelo
Le tirelo ya Satane.
Mme jaanong re lebeng bontsintsi,
Matshuti-tshuti botlhe
Ba ba tshegeditseng tshiamo,
Tao tsa kgosi ya bone.
Oh ‘tsala tsa rona godimo,
Supang lorato lwa lona.
Gopolang, lebang ka tsalano
Ba re sa ntseng re tlhabana.