Monyadi, monyadiwa
Monyadi, monyadiwa,
Gopolang Modimo!
O lo kopantse jaana
Ga lo kgaoganngwe.
E, nyalo ke khunelo
E e sa hunololweng
Ke khunelo ya tlhomamo
Go ya bosafeleng.
Nyalo ke go ratana
Ka malatsi otlhe.
Gone ke go itshepha,
Go tsahba bosula.
Nyalo ke go thusana
Ka boitshwarelo,
Mme ke go direlana
Tirong tsa botshelo.
Nyalo ke go godisa
Bana mo tumelong
Go ba isa bogosing
Jo bo legodimong.