Re mo tlung

Re mo tlung ya’go Modimo;
Re tsile mo setlhabelong,
Go go obamela
Le go go direla,
Go godisa bogosi jwa gago.

Gape re ikwatlhaela
Ditlolo tsotlhe tsa rona.
Ga re a tshwanela
Go go atamela;
Ka re ikanyologile thata.

Tshiamololo tsa rona
Di ntsi, di a re imela.
Mme re solofela
Mo go wena fela:
Itlhaganele go itshwarela.

Utlwa dikodu tsa rona
Fa re lela, re rapela.
O se nne bogale,
O se didimale
Mme o arabe ka pelonolo.

Leave a Reply