Modisa yo o molemo

Modisa yo o molemo,
O ineetse dinku tsa gago.

Mo sakramenteng
Sa mmele wa gago.
Jesu re tlhomogele pelo.

O ngaka le moalafi
Wa balwadi, wa babobodi.

O tsala ya dikhutsana.
Oa re rata, Oa re tlamela.

O gone ka bomodimo
Le ka botho Le ka botshelo.

Mo tlung ya’ go re baeti
O wa rona mothelesetsi.

O senkgwe se se monate;
Legodimong O fologile.

Tlhabelo sa rona batho
Sa tletlanyo le sa kagiso.

Ka wena re obamela
Ka tshwanelo Rara Morena.

Sejo sa bosaitsiweng,
Boipelo jo bo sa feleng.

Bogobe jwa baengele;
Mme le rona re go neilwe.

Motswedi wa tshegofatsa,
Wa grasia tsotlhe tse Jesu.

Mofago wa ba ba botshelong
Mme bogolo wa ba ba losung.

Setshwantsho sa selalelo
Se re tla se jang legodimong.

Kgopotso ya thekololo,
Ya dipogo, loso lwa Jesu.

Leave a Reply

Tlotlo

04/08/2017

Jeso o ngaka

04/08/2017