Jesu, morekolodi wa rona

Jesu, morekolodi wa rona, Re a go baka re a go tlotla Mmogo le ba ba go kgatlhantsitseng Mogang o tsenang kwa Jerusalema. Yare Jesu a tla Bathefageng A roma barutwa ba’gwe a re: “Yang kwa motsing ka pela, Nteretseng eselana.” Ba […]

Ke bona mang

Ke bona mang tlase ga sefapano A na le setoto sa ga Jesu? Oh, ke Maria a lelela ngwana, Moswi yo montle mabogong a ‘gwe. A go na le botlhoko jo bo kana Mo pedung ya mma mono lefatsheng? Bo bogolo fela […]

Ke tsatsi ja Paseka

Ke tsatsi ja Paseka: Rotlhe re opeleng Kopelo ya Boipelo: Aleluya. Mo lefikeng go dule Molelo o mosha: Ke Jesu mo kgalalelong. Aleluya. Kerese ya Paseka Ke Jesu mogogi: Mosipuri wa molelo. Aleluya. Re tseye ga molelo Go tshuba masedi Ke botshelo […]

Aleluya, lo itumele

Aleluya, lo itumele, Ditshika tsotlhe lefatsheng. Jesu Kreste, Mogolodi O tsogile ruri baswing. O na a letse lebitleng; Jaanong ga go ope mo teng. O fentse Kgosi ya baba. Ale-aleluya. Aleluya, lo itumele, Baagi ba legodimo: Baengele, baitshephi, Kopanang le rona jaanong: […]

Re a dumela

Re a dumela, Jeso, Gore o motho le Modimo. O dule mo lebitleng ka bonatla: Mung wa botshelo, wa loso Morena. Ka kobamelo re a go baka: Jeso, mofenyi, re a go tlotla. Kwanyana ya Modimo, O tsholotse madi a gago, Go […]

Re ipeleng

Re ipeleng, re opeleng. Phenyo ke e, go sule mamba. Ditshaba tsotlhe di ka tshela. Modimo o kokothetse Lokwalo lwa kgolego e, Mo mokgorong. Re ipeleng, re opeleng. Utlwa! Ba tshela losalaba: Hosanna, pula, Aleluya: Fatshe le boitumelong: Ba bonye lesedi, tlotlo, […]

Mohumagadi wa rona

Mohumagadi wa rona, Itumele, Maria. Morena Jesu, Morwa’o Oa tshela, Aleluya. O tsogile ruri, O dule mo baswing. Maria, o itumele, Ipele, Aleluya. O gomotsege, Maria Mme o se hutsafale. Jesu, jaaka a n’a bua O tsogile, a rulwa. A ba a […]

Dudueletsa Morena

Dudueletsa Morena, Wena, lefatshe jotlhe. Godisa Modimo Moya Mo moletlong wa one. Bolela dikgakgamatso, O di itumelela. Barutiwa ba ga Jeso Ba ne ba nnela ruri Thapelong go lebelela Go tla ga Mogomotsi. Ka tsatsi ja gompijeno A tswa legodimong. Mo mosumong […]

Tla, Moya wa boitshepho

Tla, Moya wa boitshepho Le dineo tsa gago; Fologa legodimong. Tla Rr’a bahumanegi, Wa grasia monei, Lesedi ja dipelo. Mogomotsi botlhukong, Mothusi mo tlalelong, Boikhutso mo tirong, Tapoloso matsapeng, Tshediso mo selelong, Botshelo mo khutsafalong. O letsatsi je lentle; O bonesa lefifi […]

Go leina je lentle

Go leina je lentle jang: Ke leina ja Jeso. Ke boipelo godimong Le kgomotso mo bathung. Teme tsa rona di baka Leina je, ja Morena: Ke leina ja Jeso. Ga go na leina le sele Je le kgatlhang dipelo, Je le itseng […]