Dumela, Maria

Dumela, Maria, otletse grasia, Kgosi e na nao, o tlhogonolo. Mme Jesu, ngwana’o o segofetse, Ke loungo lwa gago, Maria yo montle. Motsala Modimo yo o Boitshepho, O re rapelele, re baleofi. O rapele jaanong, malatsi otlhe, Go tsamaya re go bone losung lo […]

Leba ka bopelonomi

Leba ka bopelonomi, Rara wa legodimo, Ntshetso ya Neo tsa rona, Tsa phuthego ya gago. Re shafatsa tlhabelo Sa Jesu sefapanong Yo o re swetseng mo setlharing Go re ntsha mo timelong. Bona: re bahumanegi, Ga re itse ka nnete Go go […]

Bakang mofenyi

Bakang mofenyi wa loso Yo o neng a bapolwa. O tsogile ka tlotlego. Mmakeng ka, “Aleluya.” Pelo a di itumele; Teme di mo opelela; Gonne Jeso oa tshela. O n’a fologetse losung Go re golola dibing. Go re gogela botshelong; Mme o […]

Moshe wa rona

Moshe wa rona o fentse Baba ba Israele; Mme re gololesegile: Dikgole di ole. Lo opele: aleluya: Jeso o tsogile. Duduetsang: Aleluya: Kwana e rudilwe. Bakui ba re biletsa Pololong, khudugong: Re tlogela lefatshe je, Re tswe Egepetong. Re se lelele tshwafatso […]

Go monate go go baka

Go monate go go baka, Motlamedi, rra’etsho! Ka o tlotlilwe segolo Ke Morena Modimo. Oh Josefa, o dumele. Re ipaya mo tisong ya gago. Re a go kopa, re a lopa: Utlwa merapelo. Morena o go ratile Go feta rona rotlhe Le […]

Re supeditswe lesedi

Re supeditswe lesedi Sedi ja tumelo; Mme re ntshitswe mo lefifing Fifing ja timelo. Re neilwe dikaelo, Melao le thuto Tsa gago, Jeso , Morena, Tsa baapostola. Go gontle mme go monate Go rutwa botlhale Jwa poloko le botshelo: Tsela ya godimo. […]

Tla, Moya, moretlhodi

Tla, Moya, moretlhodi, Etela mewa yotlhe. Pelo tsa badumedi O di tlatse dineo, O di tlatse dineo. Re go bitsa molelo; Motswedi wa botshelo Le neo ya Modimo, Motlotsi le morati, Motlotsi le morati. Mokaedi wa rona, Neo tsa ‘go di supa. […]

A re mo rateng

A re mo rateng, Re mo ineeleng. A re mo utlweng: Jeso, Kgosi, Morena. Re mo godiseng, Re mo direleng, Re mo obameleng Jeso, Kgosi, Morena. Re mo ikanyeng, Re mo tsheleleng, Mme re mo sweleng, Jeso, Kgosi, Morena. A re mo […]

O Anna, Mm’a Maria

O Anna, Mm’a Maria, O reetse dithapelo Le maikaelelo A ba ba go ratang. Re thuse go siama Ka go tshwana le wena; Re direle Modimo Ka malatsilatsi. Rona re bomm’abana, Re tlamela leiso. Lolwapa ke bogosi, Bogosi jwa rona. Borra, bomma […]

Akofa go tla

Akofa go tla, Jesu Mesia, Morena, se diege, Gonne o Mogolodi wa rona Mme re go lebeletse. Akofa, Kresste, o re golole, Mmaba o re katika. O re ntshe kgolegong ya Satane: Tla jaana mo go rona. Akofela go rona, re buse, […]