Re atamela setulo

Re atamela setulo Sa Bogosi jwa gago, Go ba rapelela botlhe Ba ba mo khutsafalong. Fa o lotolotsa dibe Kana go ka ema mang? O ba utlwele botlhoko, Phimola tlolo tsotlhe. A ba tlhabelwe ke sedi Je le senang bokhutlo, Ba robale […]

Motho yo o tsetsweng

Motho yo o tsetsweng fatshing O tla swa ka pela, O khutla jaaka sethunya Mme o tla huduga. Botshelo jono jwa rona Bo tletse tapiso, Ka bofefo bo tla feta Jaaka phefo fela. Lefatsheng ga re na motse Ope o tlhomameng, Bajaki, […]

Akofa go tla

Akofa go tla, Jesu Mesia, Morena, se diege, Gonne o Mogolodi wa rona Mme re go lebeletse. Akofa, Kresste, o re golole, Mmaba o re katika. O re ntshe kgolegong ya Satane: Tla jaana mo go rona. Akofela go rona, re buse, […]

Ke utlwa fale

Ke utlwa fale dithoteng Barongwa ba ba tsileng: Tuduetsong ba opela Kopelo ya Mmoloki. Gloria in excelsis Deo “A kgalalelo e newe Modimo wa godimo. Lefatshing go nne kagiso Bathung ba ba o kgatlhang.” Badisa, tsogang borokong, Lesang matlhape jaanong. Itlhaganeleng go […]

Ka difela

Ka difela tse di monate Opelang, bana ba batho. Re bonye ngwana gompieno ke ngwana wa legodimo. Ene ke Morwa wa Modimo, O fologetse go rona. Ammaaruri o re ratile A re mo rateng le rona. Badisa ba ne ba disitse mafulong […]

Ruri, ke moleofi

Ruri, ke moleofi, Motho wa boleo; Mme ke a ikwatlhaya Ee, ka boikgobo. Ke rarabologetswe Mme ke tla nanoga. ke tla ya kwa go Rara Mme ke tla ingotla. Ke tloga ke boela Kwa morekoloding Jesu, o nthekegele: Ke motlhabologi. Ke ipona […]

Ke baka dintho

Ke baka dintho tsa gago, Kwanyana ya Modimo. O di ntshitswe ka ntlha ya me, Di supa ‘rato lwa’go. Ke go kopa gore tsanko Tsogong je le siameng E ke e nne losong lwa me Motswedi wa kgomotso. Ke baka dintho tsa […]

Dumela, sefapano

Dumela, sefapano Wena o belesitswe Morena wa lefatshe. Ka wena re golotswe. O aletare ruri E Kwana ya Modimo O suleng mo go yone Go rebola morafe. O maretswe ka madi: O belege le mmele: Maungo a setlhare Sa botshelo, poloko. Mo […]

Utlwang, Bakreste

Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu: Moya wa gagwe o tletse poifo. Mo tshimong a rapela; A goela go Rara Mo ditlalelong tse di boitshegang. Utlwang, Bakreste, ‘tlhoko a ga Jesu: Ba mo seola kgotleng ya Pilato. Fong ba mo sotla thata […]

Nna ke rata Jesu fela

Nna ke rata Jesu fela, Jesu mosefapanong. Ke seganka se se thata Sa dintwa tsa Modimo. O boletse legodimong Go tlhabana le mamba. Ke Dafide wa Bakreste Yo o fenyang kgogela. Nna ke rata Jesu fela, Jesu mosefapanong. O nyatsa tshaka, lerumo, […]