Rara, o tlhodile

Rara, o tlhodile Barongwa le batho Gore ba go bake, Ba go direle Re ipolela sebe sa rona: Re leofile, re fapogile Ka molato wa rona, Ka molato wa rona. Mme re tsile jaanong Mo setlhabelong se. Go go obamela, Go itshwarelwa. […]

Morena, thusa

Morena, thusa, re kopa pula. A pula e ne, re leubeng. Bona: le senya mme le swafatsa Sefatlhego sa ‘fatshe. Re dira, re lema, Re jala, tlhagola, Wena fela o ka nosa. Bona metswedi Bona melapo. ‘Noka di tlhoka Morwalela. Maru aa […]

Ratang

Ratang, ratang, ratang Modimo Rara; Ke ene, ene yo o lo tlhodileng. Ratang, ratang, ratang Modimo Rara Yo o lo dirileng bana ba gagwe. O itshenketse mme o lo tlhopile Go tsamaya leseding ja kitso ya gagwe. Ratang, ratang, ratang Modimo Morwa; […]

Morena o re boleletse

Morena o re boleletse: “Kagiso e nne le lefatshe. Jaaka Rara a lo ratile Lo rataneng, lo rataneng, Bana ba me, lo rataneng.” “Thusa moga-eno botlhokong Botlhe fela ba ba tshwenyegong. Ba ba tlhokang seatla sa’go: Lo thusaneng, lo thusaneng. Bana ba […]

Ga ke a tshwanela

Ga ke a tshwanela, Morena Jesu Gore o tle pelong ya me. Fa o bua lefoko lengwe fela Moya wa me o tla fola.  Tsena, Jeso wa me; Tsena, Jeso wa me; Tsena, tsena, Jeso wa me. Ga ke na go kgorisiwa […]

Re go eleletsa masego

Re go eleletsa masego Le lorato lwa Morena Kwa a go biletsang gone; Mme a go re busetse sentle. A ye le wena, a ye le wena Go tsamaya re kopana gape. Mme mo ditseleng o re gopole: Mme o tla nna […]

Re tsile go opela

Re tsile go opela sefela sa pako, Re opelela pelo ya Mmoloki Jesu. A re itumeleleng Pelo ya Morena. A go bakwe lorato lwa gagwe ka metlha. A Pelo ya ga Jesu, a Tshwaro, tsalano! E re tlhabetswe batho go tlosa melato. […]

Morena, re mo poifong

Morena, re mo poifong, A k’O re lebe tlalelong: Go swa mabele, dithobo; Go tsha didiba, melapo. Bona morafe mo tlaleng; Dinku, dipodi mo nageng. Tsotlhe di tla nyelediwa Fa o sa tle go re thusa. Lefatshe le idibetse Mme maru a […]

Gaufi le wena

Gaufi le wena, go monate O ka inkgogela, impiletse E rile o boga, o n’o solofetsa O tla goga botlhe, kwa go wena Ke rata go dira, sepagamo Le go sepalama, ke go bone Fa e le ‘fapano, ka fa thatong ya’ […]

O mogolo, Modimo

O mogolo, Modimo; Re baka thata ya gago. Morena wa lefatshe, A botlhe ba go bake. Leina ja gago le lentle segolo. Rara wa kgalalelo, Le Morwa’o Jesu Kreste, Le Moya wa Boitshepho: Borarung jo bogolo: O Kgosi dikgosing Go ya bosafeleng. […]