Tla, Mmoloki

Tla, Mmoloki wa batho, Tla yo o solofeditsweng. Wena, Morw’a Modimo. Fologela fatshing. Paradising borraetsho Ba solofeditswe kgosi, Kgosi e kgolo le mmusi. Baprofeta gantsi fela Ba rutile Israela Kaga Mesia wa rona. O gopole se lebale Kgolagano le Abrame, Isaka, bo-Jakobe […]

Ke tla lopa sengwe

Ke tla lopa sengwe Se se monate; Ke se kopa thata: Selo se sentle; Ke gore ke age Mo tlung ya ga Rre ka malatsi otlhe A botshelo jwa me. Go molemo go nna Go nna tempeleng, Go segofadiwa Go aga Bontleng. […]

Re a go opelela

Re a go opelela, re a go tumisa, Mme ka mogolokwane re a go godisa. Kgosi, Morena, re re: Amogela pako tsa bana ba gago Re natefelwa thata ke go go gopola, Go akanya bogolo jwa gago, Jehofa. Kgwedi, naledi, jone letsatsi […]

Re tla go ntshetsa

Re tla go ntshetsa neo tsa rona: O di fetole go nna sejo sa moya. Senkgwe, mofine dijo tsa fatshe Ka lefoko di dirwe tlhabelo sa Jesu. Pelo tsa rona di tla jesiwa Ka mmele le ka madi a gagwe. Mme ka […]

Molao wa gago

Molao wa gago, Kgosi O itshekile thata; O itumedisa pelo Mme o a re sedifatsa. Re sego fa re ka latela Lesedi ja gago ka metlha. Ga re na, ga re na, Ga re na go timela. Thuto ya ‘go ke mogogi […]

Jesu, o tle go nna

Jesu, o tle go nna mo Sakramenteng, O Mmopi, Mmoloki, Mointshephisi. Ke dumela ruri, Ka re: O gone. Ga ke kabakanye Ke sa go bone. Kana ke be ke le ‘ng fa o ntekola? Ke go leofetse gantsi le thata. Ke utlwa […]

Re rapela Rara

Re rapela Rara, gore neo tse O di supediwe ke baengele. Amogela Kwanyana e e tlhabilweng: Ke Jesu Morwa’o yo o re swetseng. Gopola tlhabelo sa ga Abrama, Sa ga Melkisede, sa ga Abele, Ga mmanete Abele ene Isake Ba supile Jesu […]

Nayang Modimo

Nayang Modimo tshupelo: Kwana ya poloko. Lo o ntshetseng ka lorato Jaanong Setlhabelo. Nayang le dipelo. Nayang maikano; Lo solofetseng tirelo e ntle Mo botshelong jotlhe. Rara, a k’o amogela Dineo tse sentle. Ga o kitla o re nyatsa Fa re tla […]

Re opeleleng Morena

Re opeleleng Morena: “O boitshepho ka metlha.” Legodimo le lefatshe Di tletse kopelo e ntle: Go go tshwanetse Morena, Malebogo, pako, thata Gompieno le ka metlha. Go sego yo o tlang jaana: Jesu, Morwa wa Morena, Ke kgosi ya kgalalelo; Re e […]

Ga dikhumo tsotlhe

Ga dikhumo tsotlhe lefatsheng, Rara, re ka go ntshetsa eng? Tlhabelo se se go kgatlhileng Ke Jesu mo sefapanong, Ke jesu mo sefapanong. Re go intshetsa Setlhabelo Ka boineelo jwa pelo. Mo botshelong re tla sepela Mo tseleng tsa gago fela, Mo […]