Bakreste ba phuthego

Bakreste ba phuthego Tsogang, lo ipele, Re lebogeng Modimo O o re thusitseng. Dipelo di itumele, Di tletse tebogo; Rara o re supeditse Tshwaro le molemo. Morena, re lebogela Neo tse dikgalo. Re di bolele tsotlhe jang? Di dintsi segolo. O re […]

Mmopi

Mmopi, re a go baka O Modimo le Morena. Ka lefoko ja gago O tlhodile dibopiwa, Baengele le batho Ke batlhanka ba gago. Baengele le batho Ke batlhanka ba gago. O theile lefatshe O agile magodimo, O re file masedi. Motshegare le […]

Oh Modimo wa me

Oh Modimo wa me, Ke a tlhomamisa; Ee ke dumela tshenolo tsa gago. Ka ntlha ya lefoko Ka ntlha ya lefoko Lefoko ja gago. Oh Modimo wa me, ke a solofela mme ke eletsa poloko ya moya: ka ntlha ya tshwanelo Ka […]

Modimo, O Kgosi

Modimo, O Kgosi ya kgalalelo; O kgosi ya lefatshe, ya dilo tsotlhe. Bakang, dibopiwa, lo tlotleng Morena; Mme lo obameleng Modiri wa nyena. Modimo, O wesi, O mongwe fela Mo borarung jwa Rara, Morwa le Moya. Modimo, O gone mafelong otlhe; O […]

Monyadi, monyadiwa

Monyadi, monyadiwa, Gopolang Modimo! O lo kopantse jaana Ga lo kgaoganngwe. E, nyalo ke khunelo E e sa hunololweng Ke khunelo ya tlhomamo Go ya bosafeleng. Nyalo ke go ratana Ka malatsi otlhe. Gone ke go itshepha, Go tsahba bosula. Nyalo ke […]

Ke moineedi

Ke moineedi wa Morena, Ke ikanne go nna wa ‘gwe, Mme ke tshwailwe phatleng ya me: Ee, ke Mokreste ka gale. Ee, ke Mokreste, ke tlhatswitswe Ka metsi a a rudisang Mme dibe tsa me di phimotswe Sedibeng se se tshedisang. Ee, […]

Se leleng

Se leleng, lona Bakreste, Lo se leleng moswi; Ka a ineetse Morena Ka pelo ya ‘gwe yotlhe. Oh Bakreste se lebaleng: Re bajaki lefatsheng. A re thuseng bang-ka-rona Ba ba swetseng ba ile. Ba re sa leng mo botshelong Re ba gakologelweng: […]

Re opeleng

Re opeleng gompijeno Lesomo ja legodimo, Mephato ya ba ba tuelong; Mewa e e boitshepho. Ke ba merafe le ditshika, Ba mafatshe otlhe fela, Mme jaanong ba roba mabele A ba a jetseng matsapeng. Bonang barutwa ba ga Jeso Ba ba rutang […]

Jesu, Maria, Josefa

Jesu, Maria, Josefa, Mo tlung ya kgalalelo, Lona boora Modimo, Lo utlwang dikopelo. Jesu, Maria, Josefa, Mo tlung ya Nasaretha, Losika lwa ga Dafida: Re a lo dumedisa. Lo dirile jaaka rona: Ka mabogo, diatla, Go itshephisa botlhanka Le go bapala dijo. […]

Maria, mm’a lorato

Maria, mm’a lorato, O ba thuse botlhe ba ba dutseng mo losung, Mo ‘fifing ja sebe. Maria, naledi, O nne mokaedi, O goge baditshaba, Ba senke lesaka. Jesu a go godisa Go dirwa mm’a batho. Anamisa tumelo, Budulola matlho. A botlhe ba […]