- Tswana Hymns
- Uncategorized
Setlhabelo sa poloko
Setlhabelo sa poloko Se se bulang legodimo, Dintwa di a re patika: Re neye thuso le thata. Tebogo le tlotlo di nne Moreneng a le mongwe. Botshelo jo bo sa khutleng A re bo newe kwa gae.
Binelang Morena
Setlhabelo sa poloko Se se bulang legodimo, Dintwa di a re patika: Re neye thuso le thata. Tebogo le tlotlo di nne Moreneng a le mongwe. Botshelo jo bo sa khutleng A re bo newe kwa gae.
Sakramente se se botshe, O naya botshelo, A o tlotliwe ka gale Ke lotlhe lobopo. Bonang mmele wa Morena: Sejo sa Barongwa Le sa bana ba Modimo: Mofago wa mewa. Kana golo fa ga rona Go boitshega jang. Mojako wa legodimo Le […]
“Ke ne ke rata go naya bana ba me Mmele le madi a me le moya. Ke tlhologeletswe go nna setlhabelo Go dira kgolagano le lona.” Oho Jesu, ruri re a dumela: Ruri o gone mo gare ga rona. Ka go re […]
Moya wa ga Jesu, o intshephise, Mmele wa ga Kreste a ko o nkotle. Madi a Morena a ke a nnose, Metsi a a ntlhatswe a lotlhakore. Loso lwa ga Jesu, a k’O nkgolole; Ka molemo wa’go, Jesu o nkutlwe. Mo dinthong […]
Bontle jwa Jesu bo nkgathile: Ke rata go mmona kgantele. Ke tenegela botshelo; Ke eletsa fela Jeso, Ke eletsa fela Jesu. Oh bonang legodimo Je le atlhamologileng: Tse di kwa teng di dintle; Ruri ke eletsa Jesu. Tse di kwa teng di […]
“Utlwa, ngwana wa me, tla go ntshala morago. Sikara mokgoro. kaba sefapano.” Jesu wa me Jesu bona bokete jo. Ga nke ke latela ke sa le mmotlana. “Ke tshotse mokgoro fa ke sa le mmotlana: Ka lela bojelong, ka swa sefapanong.” Jesu […]
Go bakwe Jesu Kreste go ya bosafeleng. O diregile motho go re ntsha mo dibeng. O n’a tshela ruri kwano mo lefatsheng. A re tlotleng Mmoloki, a re mo lebogeng. Go bakwe Jesu Kreste go ya bosafeleng. O re golotse rotlhe thateng […]
Jesu, Kgosi re dumedisa wena, Jesu. Ka kobamelo le ka lorato Re a go gogodisa, kgosi Modimo. Jesu, Kgosi ya legodimo, o dumele. A rona batho le ba ba sego Rotlhe re khubame pele ga gago. Jesu, Kgosi ya dikwanyana tsa Kereke. […]
Akofang, Bakreste, ka boitumelo, Tlang, lotlhe, tlang lotlhe Betlhema. O re tsaletswe: mung wa baengele. Tlang a re obameleng, Tlang a re obameleng, Tlang a re obameleng, Morena. Badisa ba lesa matlhape a bone, Ba tloga ba akofela kwa ngwaneng. A re […]
Morena, roma Mesia, A tle go re agisanya, A tle go re ntsha botshwarong, Go re gogela kgololong. Mo bohutsaneng re goa, Rara, re go ikuela: “Fatoganya magodimo, O re romele poloko.” O se shakgale ka metlha, Mewa e ntse jaaka naga: […]