Morena, o montisi

Morena, o montisi, ga ke tlhoke sepe. O mphotisa mo Bontleng, o nkgogela gaeng. Pelo ya me e ikantse; ga ke na poifo epe Mo tshireletsong ya modisa Dinku di a bolokesega. O nkisa kafa metsing a a didimetseng; Mafulong a matala […]

Lebogang Modimo

Lebogang Modimo ka pelo le molomo. Rr’a dikgakgamatso botlhale, pabalelo. E sale re tlholwa o n’a re boloka, O tsholotse dimpho godimo ga rona. Morena, re neye pelo e e bonolo, Naya maikutlo a mantle, a tebogo. A re se lebale Mmopi […]

Re a go rata

Re a go rata, Morena Modimo, Ka o molemo, o rategile. Ga o bolo go rata, go tlamela Pele re ese re go ineele. Iponaletse, re itshenolole, Etela ba re leng babotlana. O dire bonno mo pelong tsa rona, O nne ruri […]

Ke ba merafe

Ke ba merafe le ditshika, Ba mafatshe otlhe fela. Mme jaanong ba roba mabele A ba a jetseng matsapeng. Bonang barutwa ba ga Jesu Ba ba rutileng ditshaba. Jaanong ba busa Israele ba beilwe go atlhola. Bonang le baswedi-tumelo: Bone ba tsholotse […]

Oh, Maria, re ratile

Oh, Maria, re ratile boitshepo jwa gago. O sekao se se gogang matlho otlhe, dipelo. O tshimo ya dithunya. tsotlhe di a re kgatlha: Ke monkgo o o monate ke mebala e, mentle. Gakgamalelang bonolo, lorato lo logolo: Ke lorato lwa Modimo, […]

Ke go ikantse thata

Ke go ikantse thata, Mm’a Morena wa me. Ke kopa thapelelo: thusa, o ntlamele. Mme mogang ke tlhaela o ntlatse ka thata, Ke swele mo Moreneng, ke tle ke ye bontleng. Maria, o molemo, ga o nyatse motho, Le fa a le […]

Setlhabelo sa poloko

Setlhabelo sa poloko Se se bulang legodimo, Dintwa di a re patika: Re neye thuso le thata. Tebogo le tlotlo di nne Moreneng a le mongwe. Botshelo jo bo sa khutleng A re bo newe kwa gae.

Sakramente se se botshe

Sakramente se se botshe, O naya botshelo, A o tlotliwe ka gale Ke lotlhe lobopo. Bonang mmele wa Morena: Sejo sa Barongwa Le sa bana ba Modimo: Mofago wa mewa. Kana golo fa ga rona Go boitshega jang. Mojako wa legodimo Le […]

Ke ne ke rata

“Ke ne ke rata go naya bana ba me Mmele le madi a me le moya. Ke tlhologeletswe go nna setlhabelo Go dira kgolagano le lona.” Oho Jesu, ruri re a dumela: Ruri o gone mo gare ga rona. Ka go re […]

Moya wa ga Jesu

Moya wa ga Jesu, o intshephise, Mmele wa ga Kreste a ko o nkotle. Madi a Morena a ke a nnose, Metsi a a ntlhatswe a lotlhakore. Loso lwa ga Jesu, a k’O nkgolole; Ka molemo wa’go, Jesu o nkutlwe. Mo dinthong […]